Mosadi yo montsho
Motsadi wa Aferika
O agile
O godisitse
O golotse
Tsela o e supile
Le gompieno o a e supa
O lerato lotlhe
O thata yotlhe
Gotlhe go atleng tsa gago
O pilara ya botshelo
Ga o legatlapa
Diemo tsa botshelo ga di go siise
Le fa legatlapa; setakala sa monna se siile
Se go tlogetse o le esi
O sala o ntse o le thata
O godise maungo ao a go a tlogeletseng o le esi
E re ka moso leungo le budule a tle a kgomogile
A ikgantshe ka lone
A lebetse fa o ne o le esi
Mosadi yo montsho o mogolo e le ruri
Matlhoko otlhe wa itse
Bana ba gago bone wa ba agela
Ka mengwe metlha o rekise mpa ya gago
Bogolo kgetsi tsa bana di tlale
E sere ka moso sekolong tsa tshameka dipina
Dipina e seng tsa keletso
Tlholego e bitsa
Mosadi yo montsho ke a go rata
Mosadi yo montsho mmone mebileng
Go rekisiwa sele le sele
Go kopanngwa fale le fale
Go lekwa go direla bana sengwe go khurumetsa matlalo
Ba direlwa sengwe go tsena maleng
Dimatla di fete mebileng eo a leng gone
Di mo kgobotletse ka matlhapa
Di lebetse fa e le tsela eo di godisitsweng ka yone
Mosadi yo montsho o mogolo-golo-golo
O yone ngakagadi tota
Ga o yo o tlhalefiwang
Ga o yo o thobogiwang
Thata ya gago ga e phirime
O thotse ditshabatshaba
Ditshaba o di jesetse
Wa boa wa di pepa
Dingwe ditshaba gompieno di go tsogologetse
Se se salang ke gore ga o a baya
Mebileng ba mmitsa mabitsobitso
Mabitso a go tshwana le Bonzamela, Bommamagwinya le Bommadimonamone
Bakeng la boOrange le boMascom; le gotlhe a go rekisang ka o fela
Maineng ana ga a nyerologe
O sala a ntse a le motia
Ka mong ke mo galaletsang
Eneke kgosigadi tota
‘Rato la gagwe ga le na selekanyo
Oo! Mosadi yo montsho
Go tsweng go nna
Go eng go wena
Rotlhe ka o fela o re thotse
Gotlhe matlagwanyana a a tletseng a
Bontshadinyana, Bontshadinyana
Bontshadinyana bosising ba nna nageng ba mo lathile
E re ka moso mpa e rurugile, e budulugile ba gopole yo montsho mosadi
E re a tsena
A tle e le melapo marameng
Mpa e senang mothusi
Mosadi yo montsho a nne mmoloki
O pelontle e le ruri
Mmamasiloanoka o mo tlola kakwa
Lerato la gago ga le na selekanyo
Mosadi yo montsho o thata yotlhe
O thata yotlhe
Nha-ha!
O thola mosimane
Mosimane o lebala lwapeng
O bapalela nageng
E re go tletse gotwe, “iphimole mosimane”
Le ene o gopola yo montsho mosadi
Metlha ya go mo gopola
E re a tsena a seke a fiwe mokwatla
A wele atleng tse pedi
A mo gomotse
A mo nae tsholofelo
Mosadi yo montsho
Ke wena tsela
Fifing o a re ntsha
Seding o re kgarameletsa gone
Keletso e le go re bona re le batho
Re se dikeetaneng
Re sa itshetse ka patla tsa batho
Mosadi yo montsho o thata yotlhe
Galalela, Galalela, Galalela, Galalela